(Translated by https://www.hiragana.jp/)
Natasha Thahane - Wikipedia Jump to content

Natasha Thahane

Go tswa ko Wikipedia

Nokuthula Tutu (o belegwe ka Lwetse a le masome a mabedi le botlhano ka 1995), yo gape a itsegeng ka Natasha Thahane, o tlhagelela mo ditshwantshong tsa motshikinyego mo Afrika Borwa, mmotlelara le motho wa maranyane[1]. O itsege thata ka ditiro tsa gagwe mo setshwantshong sa motshikinyego ya Madi le Metsi, Skeem Saam, The Queen, le It's OK We're Family.[2] [3] bosheng a tsenelela motshameko wa Isono mo BET a bidiwa Millicent.

Natasha Thahane
Maina amangweNokuthula Thahane
Alma materUniversity of the Witwatersrand New York Film Academy
Dingwaga tsa a le mo tirong2013–present
Bana1
MasikaDesmond Tutu (grandfather)

Bosthelo Jwa Pele[fetola | Fetola Motswedi]

Thahane o belegetswe kwa Orlando East ke Trevor Thamsanqa Tutu le Nomaswazi Mamakoko.[4] Ke setlogolo sa Archibishop Desmond Tutu.[5] O ne a fudugela kwa Cape Town kwa a neng a tsena kwa sekolong se segolwanne sa Milnerton.[6] O ne a tswelela go aloga ka seetsele sa accounting kwa mmadikolo ya Witwatersrand. Ka ngwaga wa 2018, o weditse lenaneo la ngwaga la Conservatory la go tshameka mo difiliming kwa New York Film Academy kwa Manhattan.[7]

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Thahane o tlhageletse la ntlha mo sekirining mo papatsong ya Edgars ka 2013. Mo ngwageng o o latelang, o ne a simolola go tshameka mo mo thulaganyong ya e.tv e e bidiwang eKasi: Dipolelo tsa rona ya setlhogo se se reng "Kgosi ya Motshameko". O ne a boa gape mo ngwageng o o latelang ka karololoe nngwe, "uManqoba". O ne a tlhagelela jaaka moeng e le Fundiswa mo setlheng sa 1 sa Baitshepi le Baleofi mme a boeletsa seabe sa gagwe jaaka moanelwa yo o boaboelelang mo setlheng sa bobedi.

Go tloga ngwaga wa 2015 go fitlha 2016, Thahane o ne a itsege thata ka seabe sa gagwe e bong Enhle Tango mo seraleng sa SABC1 sa Skeem Saam.[8][9] O ne a tlogela a ya go tsaya karolo mo Mzansi Magic televnovela The Queen jaaka Amogelang Maake. O ne a le moanelwamogolo wa metlha yotlhe mo setlheng sa ntlha le sa bobedi mme morago ga moo a bo a nna moanelwamogolo wa metlha yotlhe mo setlheng sa bobedi.[10] O ne a tshameka jaaka Leshae K mo motseletseleng wa SABC3 wa Go siame re Lelapa. Ka ngwaga wa 2019, o ne a tshameka karolo ya Katlego Jali mo setlheng sa bone le sa botlhano sa Lockdown.

Ka ngwaga wa 2020, o ne a simolola go tshameka Wendy Dlamini mo motshamekong mo Netflix o o buang ka bokebekwa jwa basha e e bidiwang Madi le Metsi.[11] Ka ngwaga oo, o ne a tlhagelela mo motseletseleng wa BET Africa wa Isono mme a tlhophiwa jaaka moemedi wa letshwao la "Garnier Even & Matte".[12] Ka nako e e tshwanang, o ne a tlhagelela gape mo setshwantshong sa motshikinyego mo thulaganyong ya Top Billing.[13]

BotsheloJwa Gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Thahane o ne a ratana le motshameki wa kgwele ya dinao Thembinkosi Lorch go tloga kgwedi ya Seetebosigo go fitlha Lwetse ngwaga wa 2021, mme go bolelwa fa a na le ngwana wa mosimane le ene.[14]

Difilimi[fetola | Fetola Motswedi]

Filimi

Ngwaga Filimi Seabe Dintlha
2020 Kedibone Kedibone Manamela

Setshwantsho sa Motshikinyengo

Ngwaga Filimi Seabe Ditlha
2014–2015 ekasi: Dipolelo tsa rona Claire Ditiragalo tse pedi
2013 MMe o utswile kgogodi ya me seabe sa konokono
2014 Single Galz Thuli Tiragalo e le nngwe
2014 baitshepi le baleofi Fundiswa Seabe se se sa feleng
2015–2016 Skeem Saam Enhle Tango Seabe se se sa feleng
2016 Ses'Top La Unathi Tiragalo e le nngwwe
2016–2020 The Queen Amogelang Maake Seabe sa konokono (nako ya bongwe- bobedi)

Seabe se se boeletswang (nako ya boraro- bone)

2017–2018 Go siame re lelapa Leshae K Seabe sa konokono
2019 Imbewu: The Seed Liyana Tiragalo e le nngwe
2019 Lockdown Katlego Jali Nako ya bone-botlhano
2020–present Madi le metsi Wendy Dlamini Seabe sa konokono
2020–present

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Magadla, Mahlohonolo. "Style Crush: Natasha Thahane". Truelove. Retrieved 30 October 2021.
  2. Ndlangisa, Amanda. "Celebs supporting Stop Racism Pretoria Girls High". Truelove. Retrieved 30 October 2021.
  3. Leteba, Lineo. "One on one with Natasha Thahane". Truelove. Retrieved 30 October 2021
  4. "Biography of Natasha Thahane". South Africa Portal. 19 March 2021. Retrieved 30 October 2021.
  5. Ndlangisa, Amanda. "Natasha on her famous grandpa, Archbishop Tutu". Truelove. Retrieved 30 October 2021
  6. "Natasha Thahane's ongoing journey to success". Drum. 12 January 2017. Retrieved 1 November 2021.
  7. "Natasha Thahane". Alumni | New York Film Academy. Retrieved 30 October 2021.
  8. Ndlangisa, Amanda. "WATCH: Natasha Thahane says goodbye to Skeem Saam". Truelove. Retrieved 30 October 2021
  9. "Natasha Thahane annoyed at men meddling in her relationship with Thembinkosi Lorch". www.iol.co.za. Retrieved 30 October 2021.
  10. Ndlangisa, Amanda. "Top 12 contenders for Mzansi's sexiest". Truelove. Retrieved 30 October 2021
  11. Digital, TRUELOVE. "WATCH | Netflix introduces new characters for Blood & Water season 2". Truelove. Retrieved 30 October 2021.
  12. Vilakazi, Palesa. "#BlackGirlMagic". Truelove. Retrieved 30 October 2021.
  13. "Skeem Saam star Natasha Thahane on Top Billing". www.topbilling.com. Retrieved 30 October 2021.
  14. Mazibuko, Thobile (13 July 2021). "Natasha Thahane annoyed at men meddling in her relationship with Thembinkosi Lorch". IOL. Retrieved 22 July 2021

Dikgolagano tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]